Lefatshe la Manong – Kgaolo 4
Dikoloi tsa tsena jalo kwa felong la botshamekelo jwa mabolo kwa Mmabatho. Batho ba ne ba le matoditodi fa batshamiki ba mabolo ba tsena. Thato a fologa koloi ya gagwe a ntse a lebaleba. Mosimane wa morakile a leba sentle a bona koloi ya nomoro-polata ya Gauteng e folosa motshamiki.
‘Mosimanyana o, ke mang tota fela?! Fa ke kopana nae, ke tla mo supetsa gore nna fa Bokone Bophirima ke bonetswe eng e bile le gore ke itsege ka eng. Tota o kopane le lerwa le fuduga. Nna, Thato, fa a ka tswelela ka motshameko wa mabole, tota o ka bo a sa kopana le nna sentle. Gompieno mosimane o itlhopa mo gare ga banna jaaka phure mo dinaweng’, a bua jalo ka pelo a ntse a mo lebile.
Modiegi a bona bana ba sekolo sa gagwe ba tsena ba opela ka leina la mogoloe kwa godimo thata. A itumela gore a tswe dikeledi.
‘Ke motlotlo ka se ke nang naso. Kana ga se ke tshele jo botshelo, tota ke a dumela gore Mme kwa o robetseng teng o motlotlo ka morwae’, a bua jalo ka pelo a le nosi.
Ba tsena kwa diphaposi tsa bona go ipaakanyetsa motshameko. Thato fa a le kwa phaposing ya gagwe a tswala matlho.
‘Morena wa me, tota fela nna nka tshepa mang fa ke sa tshepe wena’, a rapela jalo ka pelo morago a bula matlho ka tumelo e e kwa godimo.
Kesebone a tsena. ‘Monna, ke go tshepile thata fela, le Olerato o ntse fela jaaka nna ke ntse’, a bua jalo ka go tshepa. Thato a ipaakanya, mme morago ga ura ba tsena mo mosakong wa mabolo. Fa a lebaleba a bona lefelo la metshameko a mabole le tletse; a leba a bona kgaitsadie a itumetse thata. Fa a ntse a lebile a bona go tsena Tiro mo mosakong wa mabole; a gakgamala.
‘Tota, Modimo o dira metlholo; wa tlisa gape nako e. Bona re kopane. Tiro ka ke ne ke go batlela se fa re le kwa magaeng a Kraaipan’, a bua jalo a retologile.
Tiro a tsenya tlhogo go nne o ne a sena go fetola se a se bonang gape e le tiro e a itlhopetseng go e dira. Motsamaisa motshameko a ba leba, a simola ka Thato, a feleletsa ka Tiro; morago a simolola motshameko. Tiro a itaa Thato nako e telele go fitlha Thato a ineela. Modiegi a latlhegelwa ke tshepo; balatedi ba ga Thato ba simolola go bua bua.
‘A ke sona seganka se? Tota fa motho o sentse ka madi. Ke dueletse seganka sa metlae fela’, mongwe wa bone a bua jalo.
Motsamaisa motshameko a boa a simolola motshameko gape ga bobedi. Thato a leba kgaitsadie, Jonas, Kesebone le Olerato; ba lebega ba nyemile mooko e bile Modiegi a rotha dikeledi. Mosimane a tsena mo go Tiro ka go mo tlhokisa tshono ya go suta suta kgotsa go latlhela tlhware legonnyana go fitlha Tiro a ineela. Ba boa ba tsena gape, balatedi ba opela ka Thato.
‘Thato o motshepiwa wa rona’, ya tlola yalo pina. Mosimane a tlhakana tlhogo a bontsha Tiro gore lebaka lwa peba go tlhoa katse ke eng, ka go mo direla lerole.
Baatlhodi ba bona fa Thato a tshwanetse go tshameka motshameko yo lefatshe lotlhe. Ba dira jalo ka go mo kwadisa mo mokgatlhong wa mabolo wa Aferika Borwa. Balatedi ba gagwe ba itumelela tiro e ntle e a e dirileng; kgaitsadie a nna motlotlo go feta selekanyo. Motshameko wa ya bokhutlhong, mongwe le mongwe a batla go itsaya setshwantsho le Thato. Morago gago kgotsofatsa balatedi ba gagwe le go bona madi a a neelwang Kesebone a go fenya motshameko a tsaya kgaitsadie ba leba kwa gaabo. Lefifi la bosigo le be le tsalana le lefatshe.
‘Abuti ke motlotlo fa o kgonne go siamisa maikutlo a me gape. Kana batho ba ne ba latlhegetswe ke tshepo mo go wena, e bile se ke sona se se dirang gore ke go tshepe malatsi otlhe a botshelo jwa me’, a bua jalo ka maikutlo a boitumelo, Modiegi.
Ba tsena jalo ka boitumelo kwa gaabo. Fa ba fologa koloi ba tsena mo tlung ka go fetela kwa phaposing ya boiketlo. Modiegi a ya go tsaya mofine go itumelela phenyo ya ga mogoloe. Ba nna jalo ba lebeletse thelebishene. Fa Modiegi a tshela mofine, a neela Thato wa gagwe gore ba thulanye digalase go bontsha fa mogoloe e le mmampudi wa ngwaga.
Modumo wa tsoga kwa ntle e bile ditshego tsa teng di le kwa godimo thata. Setswalo sa bulega; Thato le Modiegi ba bona go tsena Olerato, Jonas le Kesebone. Jonas le Kesebone ba tsena ba thiba dipudi, go bontsha gore ba ne ba fapogela kwa lefelong lengwe la nnotagi. Mosimane a gakgamala e kete motho a bona koloi e le mo lobelong mme e sena mokgweetsi. Jonas le Kesebone ba fitlha ba neela Thato tlotlo e e kwa godimo thata e kete ke moporesidente wa ntlha wa naga ya Aferika Borwa.
‘Tse tota motho o tsaletswe go di bona!’, a bua jalo a ba lebile ka kgakgamalo e e kwa godimo.
Olerato le Modiegi ba tshega gore ba tshwarane ka matsogo. ‘Ke kopa maitshwarelo a go go tshwara’, ba bua jalo ka bobedi morago ba tswelela pele ka go tshega. ‘Kana ke ne ke tshaba go nna tsala le wena, ke nagana gore wa go bona ke le ngwana mo go wena’, ga bua Modiegi ka boikobo morago ga go tshega. Olerato a mo leba mo matlhong.
‘Ausi, botsala ga se dingwaga kgotsa maemo a lwapa. Botsala ke selo sa tlholego’, a bua jalo ka moya o o kwa tlase. Modiegi a itumelela se a se utlwang. ‘Nna ke ka itumelela go nna tsala ya gago’, a fetola ka boitumelo.
Bosigogare Olerato le rraagwe ba tswa ba tsamaya; Thato a ya go itsokotsa. Modiegi le Jonas ba ya kwa diphaposing tsa bona tsa borobalo. Mosimane fa a fetsa go tlhapa a tsena mo ikatisong morago a nna ka marago fa godimo ga bolao a tswala matlho.
‘Morena ke a leboga go nneela maatla a go busa tshepo mo dipelong tsa batho ba ke naganang gore ke ka se tswelele pele fa ba sa nkema nokeng; ke a leboga Morena’, a rapela jalo ka pelo morago a robala. Mo mosong wa letsatsi la Latshipi gwa khwanya motho mo setswalong. Ere go utlwa Modiegi a ya go bula; a bona monna a apere diaparo tsa batlotlegi e bile a tshwere dipampiri mo matsogong.
‘Dumela kgarebe. Ke nna Solomon go tswa kwa lekgotlheng la mabole la Aferika Borwa. Ke ne ke ka itumelela go bona Thato fa e le gore ke bone aterese sentle’, a bua jalo ka tlotlo ya maemo a a kwa godimo.
Modiegi a mo letla go tsena mo tlung morago a ya go tsosa Thato. Mosimane a tsoga a fupile tedu.
‘Ke eng jaanong Modiegi? Lona ga le batle go bona motho a ikhutsitse’, Thato a bua ka go shakgala. Modiegi a tshega ka ene.
‘Tota o simolola go bona botshelo ka tsela e e farologaneng e bile o mabela. Go na le motlotlegi o o batlang go kopana le wena kwa phaposing ya boiketlo’, ga araba Modiegi a tshega. Thato a tswala diaparo, a tswa ka phaposi a lebetse go rwala ditlhako. Fa a fitlha kwa phaposing ya boiketlo a rakana le monna wa banna ba ba tlotlegang mo setshabeng. A nna fa fatshe ka tlotlo morago ga go neela motlotlegi letsogo la tlotlo.
‘Monna ke fa ka wena. Rona re le ba mokgatlho wa mabole wa Aferika Borwa re bone go le botlhokwa gore re go rekele ntlo le koloi go go bontsha fa re tlotla bontle jo o ka bo direlang naga ya rona’, a bua jalo Solomon a lebile Thato mo matlhong.
‘Jaanong ke dilo tsa leng, le gone a lo setse lo di rekile?’, a botsa potso ka boitumelo. Solomon a tshega.
‘Monna ke eng e kete o bone sepoko. Fa re ne re di rekile ke ne ke tla go neela dinotlolo; jaanong ke fa go go itsisi, e bile ke wena o tla ikgethelang gore o batla ntlo le koloi kae e bile tsa mofuta ofe kae’, a bua jalo a ema ka go neela Thato dipampiri tsa bopaki morago a tsamaya.
Thato le Modiegi ba sala ba tsusitse modumo go fitlha Jonas a tsoga.
‘Ke eng fa le itumetse jaana?’, a botsa ka kgakgamalo. Thato a mo neela dipampiri; Jonas a di leba ka kelotlhoko morago a tsholetsa Thato ka boitumelo jo bogolo. Modiegi a dira dijo tsa moso. Fa Jonas le Thato ba sa ntse ba ile go tlhapa, Olerato a tsena a tshwere lokwalodikgang, a neela Modiegi.
‘Thato ke mmampodi yo o se nang kgarebe’, a buisa setlhogo sa pampiri ya ntlha ya lokwalodikgang. Thato a utlwa se a le kwa phaposing ya botlhapelo; a tswa jalo a apere borukgwe a ya kwa phaposing ya boapelo. Olerato go bona Thato a ntsha phatshima mononeng. ‘
‘Thato ke batla go nna le wena botshelo jwa me botlhe. O seka wa gakgamala fa e le go ne ke dirang se, fela ke ne ke sa go tshepe, ke nagana gore o na le lekgarebe’, a bua jalo a tsenya Thato mo mononeng.
‘Fa o sa tshepe lebelela gore ke ne ka e reka leng’, a bua jalo a ntsha bosupi jwa lebenkele le a e rekileng teng. Thato a tsaya bosupi a bo latlhela fatshe ka go atla Olerato.
‘Le nna ke batla go nna le wena, fela ke gore kwa ga lona ke kwa mading’, mosimane a bua jalo morago ga go atla Olerato.
Thato a boela kwa phaposing ya botlhapelo a ya go feleletsa go tlhapa. Modiegi a ntse a tshola a thusiwa ke Olerato, Jonas a fetsa a tswa ka phaposing a ya kwa phaposing ya boiketlo morago gwa fetsa Thato, ba ya go nna kwa phaposing ya boiketlo. Olerato a nna fa fatshe a ntse a lebile Thato mo matlhong,” a re tswaleng matlho”, gwa bua Jonas, ba tswala matlho morago Jonas a rapela,” Modimo re a leboga fa o re neetse letsatsi le, e bile re ntse jana,re kgona le go ijesa, tota o a tshepega Morena, a go nne jalo”, ba bula matlho morago ba tswelela ka go ja. Botlhe fa ba fetsa go ja ba ema, Jonas a ya kwa koloing, Modiegi a ya go tlhapa,” nna ke ya kwa ntlong ya morena”, a bua jalo a tsamaya,Jonas. Olerato a tswa a tsamaya a ya kwa tirong kwa lebenkeleng la gaabo. Thato a sala a le nosi a ikatisa morago a tswa ka koloi a feta a lebeletse bontle jwa Aforikaborwa mo toropo ya Mahikeng, a bona bana ba le bantsi mo toropong ba sotlhega e bile ba ja diribatsi,” kana ke kabo ke tshele jana ,fa e ne e se Malome Jonas”, a bua jalo a le nosi. Letsatsi la swa bogale, ya nna nako ya gore Thato a boela gae, a boela kwa gaabo pelo ya gagwe e le botlhoko thata. Mosimane a tsena kwa gaabo ka go fitlhela monko wa dijo tse di monate o tletse ka ntlo, a utlwa a tshwarwa ke tlala, a pateletsa go leta. Letsatsi la fifala Jonas a tsena,” Malome malatsi a o tsena Thato a le mo lwapeng, a o siame”, a botsa jalo ka mowa oo kwa tlase,Modiegi. Jonas a mo leba,” ke eng e kete o itira monnanyana wa lwapa le, kgotsa ke nna, a ke go sutele fa o nne monate ka ke bona e kete nna ke go tlhokisa monate!”, a bua jalo ka tenego,Jonas. Thato a tsenya tlhogo, Jonas a tswa a tsamaya a ya kwa phaposing ya gagwe ya borobalo. Modiegi a lela,” abuti a re tsamae re boele gae motho o tlile go re bolaya”, a bua jalo a tshugile.Thato a mo tswara ka seatla, “kgaitsadie iketle, fa re tswa fa, tota re ya go ya kae, inagane?”, a bua jalo a mo isa kwa phaposing ya gagwe ya borobalo. Thato a tsena ka phaposi ya gagwe a latsa tlhogo.
Mo mosong wa mosupologo, Thato a tsoga a ya kwa phaposing ya boapelo, a bona kgapetlana ya lekwalo fa godimo ga letlapa lwa bojelo, a e tsaya ,” goodbye and know that I will always loves you, Modiegi “, a rotharotha dikeledi morago ga go buisa kgapetlana. Thato fa a tswa ka ntlo a rakana le banna ba mokgatlho wa mabolo,” dumela monna Thato, re fa ka wena ,tsena mo Koloing re tsamaye “, Solomon a bua jalo a buelela thato setswalo. Koloi ya tswa ka legora Thato a lebaleba ka pelo e e botlhoko thata,” botshelo, ga ke go rate gonne ga ona nnete, ga ona monate ope fela, o fetoga nako nngwe le nngwe e e batliwa ke wena”, a bua jalo ka pelo morago a tsenya tlhogo mo diropeng, a lelela teng jaaka kwanyana,” monna o ka rata go nna kae”,gwa bua Solomon.Thato a ntsa tlhogo ka gore,” Makhubung”, koloi fa tsena fa toropong ya Mahikeng ya retologela bophirama e leba kwa Makhubung.
Fa ba tsena ba lebelela dintlo tsotlhe ba batla e e rekisiwa, ba tlhoka go e bona. Botlhe ba simolola go itlhoboga, ba bona go le botlhokwa gore ba tsamaye, fa ba tswa ka motse ba rakana le monna a emisitse serori fa pele ga ntlo a pega dithoto,” nnya ntlo ya me, ke tla nna fa”, a bua jalo ka tshepo ya maemo a a kwa godimo. Botlhe ba fologa koloi, Thato a ba feteletse kwa pele,” monnamogolo, nna nka reka ntlo e, janong wa reng?”, a botsa jalo a tseatseega tlaloganyo. Solomon a tla go gatisa mafoko a ga Thato, monnamogolo a dumalana, Solomon a mo neela kgapetlana ya madi, monnamogolo a tswa a tsamaya ka serori, morago go a tsena dikoloing tsa lebenkele lwa dithoto tsa nnto, Thato a tsenya dithoto mo ntlo morago go a tsena koloi ya gagwe e a e reketsweng ke mokgatlho, mosimane a itumela thata. Thato a palama koloi ya banna go ya kwa ga Jonas go ya go tsaya se e leng sa gagwe. Mosimane a tsena ka ntlo a tsaya diaparo a di tsenya mo koloi morago ba feta ba salane morago go ya kwa Makhubung le Jonas , dikoloi tsa bona e ne e kete dikoloi di le mo phitlhong ya motho a sa itsiwe ke ope di le pedi fela mo tseleng di tlhomagane. Thato a fitlha a folosa morwalo wa gagwe a tsena ka ona mo ntlo,” kana ke kabo ke le fa le kgaitsadi”, a bua jalo ka pelo e e botlhoko, Jonas a mo itaa legetla ka go mogomotsa,” mosimane tia pelo o tla boa, e bile o ya go nna e le kgaitsadio go ya lesung”, a bua jalo ka kutlwelobotlhoko.
Thato a leba Jonas ka go lela,” Morwa ke kopa maitswarelo ka seo ke se go dirileng fela e ne e se maikaelelo a me”, a bua jalo ka mowa oo kwa tlase. Jonas a tswa a taamaya, Thato a boa a busa pelo, ” ke monna, ke eng ke lelela motho o a itumeletseng seo a se dirileng”, a bua jalo a ikitaa sefuba. Mo tshokologong o o tseneletseng Olerato a tsena ka koloi ya gagwe, a tsena ka ntlo ka setswalo sa ntlo se ne se butswe a fitlhela Thato a robetse mo sofeng, a mo tsikinya mosimane a tshoga thata, Olerato a mo neela lokwalo, Thato a le bua,” motlotlegi Thato, re go itsisi jana gore o tshwanetse go tsaya loeto go ya kwa egepetwa go ya go tsenela tonamente ya Aforika, kamoso o batlega kwa boemela fofaneng kwa OR thambo mo mosong, ke ya malatsi a le thataro”, a buisa jalo ka pelo morago a kgakgamala ,” ke eng?”, Olerato a botsa potso. Thato a mo leba,” ke ya Egepetwa malatsinyana, e bile ke kopa o sa le o tlhokometse fa mogatsaka”, a bua jalo ka go ja marapo a tlhogo.
Mo maitsiboeng, Olerato a tshola dijo,morago a ya kwa koloi ya gagwe a ya go tsaya mofine, fa a tsena a fitlha a o tshela mo digalaseng a neela Thato ka gore,” tsaya o nkgopole kwa o yang teng, lerato lwa pelo ya me”, mosimane a mo leba ka gore,” tota nna ke a go rata fela se nna ke ka se se diri,” Olerato a simolola go tenega, morago a busa pelo,” ke tla mo ruta batho, o nagana o a ka intumedisa banna ke mabele ba gasame ba tlhoka basadi”, a buabua jalo ka pelo morago a itshegisa selotsana le Thato, morago Thato le ena ba ya go jela kwa phaposing ya borobalo morago ga ba fetsa ba isa marapo gobeng. Mo mosong wa naka tsa kgomo Thato a tsoga a tswala matlho ,” Morena ke lebogela tse tsotlhe tse o ntiretseng tsona e bile ke kopa matla”, morago fa a sena go rapela a ipaakanya. Mosimane a tsamaya jalo Olerato a sa ntse a robetse. Thato a tsena kwa boemela fafaneng mo mosong wa letsatsi le le tlhabile bontle thata. Mosimane a laelwa go palama sefofane a leba Egepetwa.
Malatsi a feta Olerato a lebeletse motse wa ga Thato. Mosimane a boela Aforikaborwa ka letsatsi la bosupa, a itumela fa a fologa sefofone a bona koloi ya gagwe,a tla a itumeletse go go fenya baganka ba Aforika ka bophara. Mosimane a tsena mo koloi ya gagwe a leba bokonebophirima, a tsena mo toropong ya Mahikeng bosigo e bile a setse a tlelwa ke letsapa,” Ao!, ke eng ke ne ke sa kope Olerato kgotsa Malone Jonas go tla go ntsamaya”, a bua jalo a ntse a edimola mme a ikgoga jalo go ya go tsena kwa Makhubung. Mosimane a fitlha a emisa koloi ya gagwe ka boitumelo jwa maemo a a kwa godimo , e bile a lemogile gore Olerato ga ise a robala. Thato fa a lebile setswalo sa galase a bona monna a tsamaya ka dikgopo mo ga gagwe,a ema ka kgakgamalo, ” banna go ka nnang”, a bua jalo a eme a lebile ka tlhoafalo ,a bona e le Tiro. Thato a retologa a ya kwa Koloing a ya go tsaya tlhobolo,” tota le fa gotwe ke ngwana wa modimo , ke itswarele mong ka nna, se sona ke matlakala!,” a bua jalo ka tenego. Mosimane fa a tswa go tsaya tlhobolo a tsena a le matla godimo e kete mmoulo fa gare ga ditonki, a tsena. Tiro go bona Thato, ” ijo!, nna ga ke molato”, a bua jalo a tshugile e bile a roroma, Tiro. Thato a mo leba ka matlho a a putlaputla dikeledi, ” nna ga ke morena jeso, monna mongwe le mongwe o swela tsa gagwe dibe, tota gompieno badimo ba gaeno ba go furaletse, fela inama o ba itsisi gore p mo tseleng! “, a bua jalo a lela. Olerato a ntse a buabua ka pelo kwa phaposing ya boiketlo,” lefatshe fatoga ke tsene”, a bua jalo a tswa letlhabaphelo.Thato a bona dipone tsa koloi tsubile kwa ntle, a gadima,a bona e le koloi ya ga Olerato, a nyema mooko,a leba tiro,” tota ga o molato, e e molato e ikatlhotse, e bile ke lebogela se o se dirileng go nne “, a bua jalo a neela Tiro phatsima mononeng e e ne ya rekwa ke Olerato. Tiro a e tsaya ka letsogo,” monna fa o batla go robala o ka nna wa robala kamoso o tsena mo tseleng o ya gae”, Thato a bua jalo a ya go baya tlhobolo ya gagwe ka polokeloya ya ntlo.√√
Fa mosimane a boa kwa phaposing ya gagwe a fitlha a naya Tiro se notlolo sa koloi go ya kwa toropong go ya go reka khadi ya sekgoa. Tiro a tsena jalo mo Koloing a ya toropong a fitlha a reka khadi le diritibatsi morago a boela kwa ga Thato. Tiro a fitlhela Thato a fisitse nama, mmino o le kwa godimo thata batho ba tletse ka ntlo. Tiro a bula sekutswana sa khadi a tshela mo digalaseng ,Tiro le Thato ba tsholetsa digalase,” go botsala jwa rona jo boswa”, a bua jalo ba thulanya digalase ba naana matsogo. Ba itumela jalo bosigo botlhe, mo mosong wa naka tsa kgomo Tiro a ya kwa ntlwaneng boitusetsong. Thato a ne a setse a thiba dipudi, le ena a ya kwa ntlwaneng boitusetsong, fa a tsena a fitlhela Tiro a ja diritibatsi,Thato a di tsaya ka dikgoka,” ke eng o itshenyetsa bokamoso, se se bontsha gore dilo tsa me di mo kotsing ya masetlapelo thata, ga se ke je diritibatsi e bile ga ke batle le go di bona ka matlho”, a bua jalo ka tenego. Thato a retologa a ya kwa ntlo ,morago a boela kwa go Tiro, a fitlha a mo neela madi,” monna fa ke sa tlhole ke go bona o baya maoto, tsamaya e bile ke lebogela nako ya gago tsala”, a bua jalo a mo ntsa ka legora. Mosimane a boela kwa ntlong a fitlha a tima mmino ka go laela batho gore ba ye gae, morago a tsena ka phaposing ya gagwe ya borobalo a latsa tlhogo.
Thato a tsoga mo tshokologong ka go utlwa motho a khwanya kwa setswalo, mosimane a ya kwa setswalo go bula,” ao Modiegi ke itsile gore o tla boa kgaitsadi “, a bua jalo, fa a re o bula setswalo sa galase a rakana le ba lokwalodikgang. Mosimane a boela kwa phaposing ya borobalo, fa a tsena a fitlha a nna ka morago,” tota botshelo jo jwa lefatshe ga bo monate, Mme o ne a swela eng, fa rre a bone gore a ntlhoboge ke sa le monnye ke sena molato, ke foseditse mang, yo ke tshwanetseng go kopa maitswarelo mo go ena?”, a bua jalo a ipotsa dipotso a le esi.
Modumo wa go khwanya setswalo wa utlwala gape, a ema a ya kwa setswalo ,fa a tsena a fitlhela go eme monna a goletse godimo a le mmele oo kitlaneng e kete kgomo ya dipolase,” monnamogolo, ke ka go thusa ka eng”, a botsa jalo a bula setswalo sa galase. Monnamogolo a kopa go tsena mo ntlong ka go ikopisa metsi,” nna fa fatshe”, Thato a bua jalo a siela monnamogolo metsi morago a mo neela khadi ya sekgoa,” monnamogolo tota ke ka go thusa ka eng? “, monnamogolo a leba Thato mo matlhong,” monna ke nna rraago”, monnamogolo a bua jalo. Thato a ema ka dinao, a itswara tlhogo, morago a tshega,” nna ga ke go itsi mme fela ke lebogela go go itse, janong re ke mang?”, a botsa jalo a ntse a tshega. Monnamogolo a tsenya tlhogo, Thato a mo leba,” ke kopa aterese gore gore fa o sule ke e go go tshepa mmu ke go gatisa ka mantswe ke itlhobogele kana o motho a itatotseng fa ke sotlega o sule”, Thato a bua jalo a gagamaditse sefatlhego. Monnamogolo a re ,” ke nna Molatodi Masemanenya ke tswa kwa Garankua, le fa o sa tle seo se kabo se siame fela fa ke go bone ka matlho, nna monna wa morakile ke itumetse thata, ga ke batle sepe sa gago ke a bona gore o mohumi wa Mahikeng ngwana ka”, a bua jalo a tsenya letsogo mo ketsaneng ya obarolo a ntsha kgapetlana ya lokwalo lwa madi,” tsaya o tla go e fetola kwa dipolokelong tsa semolao tsa madi, e bile o nne o itse gore nna ke a go rata fela mmago o ne a go loba a re ga ke rraago Morwa”, a bua jalo ema a tswa ka morago wa mabaibai wa ga Thato morago ga go mo neela kgapetlana ya madi. Thato a mo tabogela,” rre!, ke kopa maitswarelo ka se ke se buileng e ne e se maikaelelo, fela nna ke nna fa , o ka tla nako e nngwe le e nngwe”, a bua jalo ka boikobo. Moitatodi a mo leba,” se o se buileng ga se molato morwa e bile ke nnete e ke ka se go tlhoeleng yona fela ke itumetse fa o kgone go bua se o neng o bona e le nnete, o tla sala se ntle”, a bua jalo a tswelela pele a taamaya.
Thato a tsenya tlhogo, a lela,” ijo nna!, ga gona ope o ke a mo ikanyang tota botshelo ga boa ntshiamela”, a bua ka selelo a tsamaela kwa ntlong jaaka mothoa gata mae . Mosimane a tsena ka ntlo a ya kwa phaposing ya gagwe ya borobalo a fitlha a golola dikgwele tsa ditlhako ,” morena ke neela moa wa me matsogong a gago”, a bua jalo a putlaputla dikeledi. Thato fa a ikgolega thank a tlelwa ke letsapa,” nnyaa a ke robale pele”, Thato a bua jalo a palama bolao go ikhutsa. Mosimane a robala jalo go bona boikhutso,” o ntshwabisetsang morwa, ke go tshepile jana ,tota o ipolaela eng, a o ka ipolaela batho!”, ya nna toro mosimane a tsoga ka bonako a sala a gokolotse kgwejana mo thamong,” nna ke ka se ipolae!”, a bua jalo ka bopelokgopo.
“Ke a go rata morwa”, a gopola, a boa a lela,” goodbye ” a gopola, ” ke batla go nna le wena botshelo jwa me botlhe”, a boa a gopola a bua a le esi, a lela a ema ka dinao a ya kwa koloing, mosimane a tsena mo Koloing a leba kwa toropong. Thato fa a tsena kea toropong a fetela kwa lefelong la nnotagi, a tsena,” abuti re ka go thus a ka eng?”, gwa botsa mothusi wa lebenkele, ” o ka nna fa le”, a boa jalo a bontsha go Thato manno. Mosimane a ya go nna fatshe , khadi ya tlisiwa kwa go ena, fa ntse a dutse a bona monna a ja diritibatsi. Mosimane a ema a ya kwa monateng, a fitlha a ntsha madi a direlwa tsa gagwe ,a di tshenyo ka nako, morago a tsenya tlhogo. Ntwa ya ntsoga mo teng ga ntlo ya nnotagi, badiri ba lebenkele ba tsaya mosimane ba mo mo tsenya ka phaposi ya dilwana tse di rekisiwang, le batho ba ne ba sa amegeng mo ntweng. Fa ba le ka fa phaposing, mosetsana yoo montle a tsamaela fa go Thato,” abuti ke kopa o reke re itumele rotlhe, ka ke bona e kete ona le mathata a lelapa”, a bua jalo a mosetsana a beile Thato letsogo fa sefubeng. Mosimane a tlhoka nako ya go e senya, a tsenya letsogo go kgetsaneng morago a neela mosetsana madi. Mosetsana a tshameka le Thato ka go mo atla, a ntse a mo tsenya letsogo mo kgetsaneng, mosetsana a tswa a tswere senotlholo sa koloi,” moratiwa, ke a go reka, ke a boa”, mosetsana a bua jalo a tsamaya.
Morago ga sebaka, badiri ba lebenkele ba kopa gore batho ba tswe ntwa e fedile,ba tswa jalo, Thato a lemoga gore ene o kgotsofetse fela o setse ka go ya gae, mosimane a tswa ka lebenkele la nnotagi ka go ntsha senotlolo sa koloi, a utlwa senotlolo se seo, a rola ditlhako a tlhotlhora dikausi, morago a tlhanolola dikgetsi,” go ka nna eng fa, a go a poka?”, a tsamayatsamaya a lebelela kwa a beileng koloi teng fa a tsena a rwela tsogo mo tlhogong a bona koloi e seo, a inama a e lebelela ka fa tlase ga dikoloi tse dingwe, morago a lebela motlhala mo tseleng ya matlhapa a mansho Thato a tsenya tlhogo a lela,” tota nna ke lapisitswe ke go lela!”, a bua jalo ka tenego. Mosimane a rwala ditlhako a ipaakanya, morago a bona kgarebe e nngwe e palama koloi, a tsamaela kwa go ena,” ausi ke kopa thuso?”, kgarebe ya mo leba,” Nna ga ke thuse batho ka go ba rekela nnotagi”, a bua jalo. Thato a mo leba mo matlhong ka gore ,” Mme koloi ya me e utswilwe janong ke ne ke kopa fela gore o nkise kwa ga me ke tla go lefa”, a bua jalo ka go itlhomola pelo.
Kgarebe ya mo leba,” Monnanyana ga se wena Thato wa mabolo?” A botsa ka kgakgamalo, Thato a tshegatshega,” Ke nna Mme “, a bua jalo mosimane,a fisitse mae le makgape. Kgarebe ya bula setswalo sa koloi Thato a tsena, ba tsamaya jalo ba sena se ba ka se buang, kgarebe ya ikgotlisa seyalemoya, a tsenya mmino oo monate wa jazz, Thato a simolola go bula molomo,” kgaitsadi, a le wena o molatedi wa rre Hugh Masikela?”, a bua jalo a itumeletse mmino,kgarebe ya tlala monyebo, Thato a feta a supetsa kgarebe tsela ya go ya kwa lefelong la gagwe. Ba tsena jalo kwa lefelo la ga Thato, koloi ya tsena ka legora, ya ema fa pele ga ntlo, Thato a fologa,” o ka nna wa fologa wa itisa le nna”, Thato a bua jalo a lebile kgarebe mo matlho. Ba fologa jalo ba tsena mo ntlong,” nna ke nna Peloentle”, go a bua kgarebe, Thato a bula senotsididi ka gore ,” ke lebogela go go itsi”, a tshela mo di galaseng ba ya kwa phaposing ya boiketlo ba nna fatshe ba lebelela thelebishene. Fa ba ntse ba lebeletse Peloentle a leba Thato,” A ga ona kgarebe?”, a bua jalo . Thato a kgakgamalela potso, a mo leba mo matlhong ka go tlhoka pelaelo ,” nnyaa mosadi o matsapa, ka dinako tse dingwe o ka se itse gore motho o a go rata kgotsa go direga eng”, a bua jalo ka pelo e e phutologileng.
Peloentle a tshega,”Tota basadi ga ba tswane ke eng nna le wena re sa simolola ya rona kgolagano?”, a botsa potso a lebile ka matlho a a supang nnete. Thato a akabala ka gore,” ke tla e nagana”, Peloentle a ema a ya kwa phaposing ya boapelo go ya go tsela senotsididi morago a boela kwa phaposing ya boiketlo, ” Thato, nna ke morutabana e bile ga ke batle go felela foo, kana toro ya me e ne e le go nna ngaka ya marapo, janong a wena o itumelela tiro ya go nna eng fela mo botshelong kgotsa ke eng se o se lorang, a ke mabolo kgotsa gona le se sengwe?”, a botsa mosimane potso jalo. Thato a mo leba ka gore,” nna ke ne ke lora go ipona ke le mmueledi mme fa ke nagana gore ke ka se tsoga ke le yona, pelo ya me e utlwa botlhoko thata”, thato a bua jalo ka mowa oo kwa tlase. Peloentle a mo tswara ka seatla, ” itshepe, fela jaaka o kgone go nna rramabolo o sa ntse o ka nna mmueledi wa maemo a a kwa godimo thata, botshelo ga se gompieno fela e bile p sa ithuta go itlhoboga”, a bua jalo ka go tshepa Thato.
Peloentle a ema,” bosigo bo ka se sedimoge ke le fa, nna ke ya kwa ga me e bile ga botsa ke ya tirong”, a bua jalo, Peloentle. Thato a mo tshwara ka seatla a mo leba, a lela,” Tota, ga ke itse gore ke ka bua eng le wena, o na le pelo entle, leina le ile kwa boreelong,ke kopa o nne le loeto le le ntle”, a bua jalo a mo tlamparela,Peloentle. Kgarebe ya tswa ya tsamaya ka pelo e e utlwileng mogote wa lerato, fa a tsena kwa Koloing a leba kwa morago a tshega a le nosi,morago a tsena mo koloing a tswa a tsamaya. Mosimane a sala a tsentse tlhogo morago ga go lemoga gore o a itshotla ka nnotagi, a ema a ya kwa phaposing ya gagwe ya borobalo,a fitlha a latsa tlhogo, “Ke ka go direla se o se batlang, fela fa o ka nna le botshepegi, kana ga go sepe se se tlhokegang mo kamanong ya marato , madi ke pampiri fela e kamoso e ka tsogang e seo, janong dumela go nna rre wa lelapa la rona”,ya nna toro. Mosimane a tsoga jalo mo tshokologong,a tsoga jalo a tshegatshega fela, a ya kwa phaposing ya go ikatisa, fa a tsena a bona fa a ya go polaya ka ditshipi,a tswa a ya kwa phaposing ya botlhapelo, a itsokotsa, a fetsa jalo ka go tsaya lefeelo a phepafatsa ntlo,” ijo!, kgarebe e le ga ya neela aterese fela ke tla mmona”, a bua jalo a ntse a tlhotlhora lerole, a setshego jalo a le esi. Thato a fetsa ka nako,morago mosimane a tsena mo koloi a leba kwa Deanville, a tsena jalo kwa sekolong sa mabolo sa ga Kesebone, a fitlhela bana ba ikatisa, a itaopa go ba thusa, bana ba itumela go ikatisa le mmampudi. Olerato a tsena ka go utlwa modumo wa bana o le kwa godimo thata, Thato le Olerato ba lebana mo matlhong fa Olerato a tsena ka kgoro. Mosetsana a retologa a boela kwa koloing, Thato le bana ba tswelela ka go ikatisa. Nako ya ba nna ka fa phefong, Mosimane a ya kwa koloi a setswe morago ke bana,” Malome Thato kamoso o tle gape, re ikatise rotlhe’, ba bua jalo botlhe, a fitlha a bula koloi a ba neela dimonamone, Olerato a ba leba ka pelo e e botlhoko thata morago Thato a tsena mo Koloing a tswa a tsamaya.
Thato a tsena kwa ga Jonas ka mpitswana, a khwanya setswalo, Jonas a bula, a tsena mosimane, ba fetela kwa phaposing ya boiketlo. Tshepiso a ema a ya go tselela Thato senotsididi, ” abuti, ke ikopela maitswarelo ka seo ke ne ke a go se dira”, Tshepiso a bua jalo ka boikokobetso. Thato a mo leba morago a mo neela letsogo la tlotlo,” Ke botshelo, fela ke a tlhaloganya”, a bua jalo a mo lebile mo matlhong. Ba nna jalo ka go lebelela thelebishene, Jonas a itumelela go bona Thato le Tshepiso ba aga botsala. Mo bosigo jo bo lefifi Thato a boela kwa gaabo. Mosimane fa a tsena ka legora a bona thelebishene e tsubilwe,” A ke kgaitsadi? “, a ipotsa jalo ka pelo. Mosimane a tswa mo sejanageng a tsena ka setswalo sa galase,” surprise! “, Peloentle a goa jalo ka boitumelo. Thato a leba kwa phaposing ya boiketlo a bona dikerese tse dihibidu le tse ditshweu, fa a leba fa fatshe a bona go le malomo a mahibidu a dipelo, a boa a leba go ya kwa phaposing ya borobalo a boa e le kgwedi ya sedimontole. Thato a atla Peloentle morago a mo tsholetsa a mo isa kwa phaposing ya boiketlo ba ya go ja dijo tsa bosigo. Peloentle a gogelwa senno ke Thato morago mosimane a nna fatshe, Peloentle a tshola, monko wa tsona o ne o kabolola dinko tsa ga Thato,a sunyetsa a sa fetse. Mosimane a kwenya mathe go fitlha a isa leswana kwa ganong,” nna ke batla go nna le wena, Thato go sa kgatalesege gore o na le madi”, Peloentle a bua jalo ka monyebo. Thato a tsenya tlhogo,” ke a itse gore le wena o nagana jaaka ke nagana, fela fa o ka ntsepisa gore o ya go fetsa sekolo gore o nne mmueledi “, a bua jalo mosetsana.
Ba fetsa go ja,” koloi ya gago e kae?”, thato a botsa jalo ka kgakgamalo. Peloentle a ema ka go tsaya dijana,” nna nka se tle ka koloi ke tla go direla motho wa me bontle jana, o ne o ya go itse gore ke nna oo mo ntlong”, a bua jalo a isa dijana kwa phaposing ya bojelo, morago Thato a tswara Peloentle ka seatla ba ya kwa phaposing ya borobalo,” nna ke tla robala kwa go ya baeng”, Peloentle a bua jalo,” Thato a kgakgamala,” eng!?”, a botsa jalo. Peloentle a tlogela letsogo la ga Thato,” nna mosadimogolo o nthutile molao, se wena o se naganang se tla direga fa re fetsa go nyalana”,Thato a tsenya tlhogo, ” tia pelo kana ga o mosimanyana wa dipudi, o monna tia yoo kgaleng a nelwa ke dipula e bile a robala ka mpa e le loleya”, a bua jalo a ya kwa phaposing ya baeng,Peloentle.
Thato a tsena ka phaposi ya gagwe ya borobalo a fitlha a ikatisa,fa a fetsa a tlhapa morago a robala ka mpa ya sebete a lebelela thelebishene.” A ke nyale kgarebe e?, kgotsa ke tla itirela metsae, jaaka Olerato a ntirile, kana ke ne ke rata mosetsana o le, fela ga ke ikwatlaele se a se ntirile ka Tiro, tse tsotlhe tse ke nang natso ke ka ga ena, o ne a le botlhokwa thata mosetsana o le janong ke kopane le o mongwe o bua ka manyalo, ruri ke tshele fela modimo, ke ena a itseng jaaka a itse letsatsi la me la leso , ke tla nna ke mo tshepile ka malatsi a me a botshelo”, a touta jalo ka pelo morago a latsa tlhogo.
“ Mme ke nako e e leele ke sa go bone e bile ke tla utlwa fela go tswe mosadimogolo o ile boya batho. Maikaelelo a me ke go go tsaya o tle go nna le nna gape fa, ga o bone tlhokomelo e e go tswanetseng, Malome o nna kwa dipotong e bile o feditse dinku tsa gago’.
‘Ee!, o bua sentle, tota fela ke nna ke buabua ka pelo ke ipotsa gore ke eng fa modimo a sa nkutlwele botlhoko a tsaya mowa wa me’,
O sa tshwenyaga Mme go tla siama, ke ena motlhodi wa tsotlhe tse di mo lefatheng tota re ka tshepa mang kwa ntleng ga ena”, ya nna toro.