Lefatshe la Manong – Kgaolo 3
Mo mosong fa Thato a tsoga a fitlhela Jonas le morwae ba seo; a itsokotsa, morago a apara diaparo tsa go ikatisa, mme a tswa ka ntlo a ya kwa mmileng a ya go otlolola dinao. Fa letsatsi le ntse le tlhatlhoga, koloi ya majabajaba ya ema e lwetsa hutara, mok wa yona a bula letlhabaphefo, fa Thato a tla a mo lebile,” Thato!”, a bua jalo Olerato. Thato a kgakgamalela Olerato, “ rraagwe mosetsana o, o madi mme ke eng fa a rata modidi jaaka nna”, a buabua jalo ka pelo, ” dumela Thato, maitswarelo go go emisa go ikatisa, fela ke ne ke kopa gore o etele kwa Lebenkeleng la gaetsho”, a bua jalo ka go bontsa tlotlo le lerato. Thato a tlhoka go gana morago Olerato a neela Thato metsi gore mmele wa gagwe o sa tlhoka metsi mo sebakeng.
Thato a tswelela pele ka go ikatisa, Jonas a tlhaga ka koloi fa morago ga Thato, a letsa hutara, Thato a tshoga,” ijo!, se mpolae tlhe!”, a bua jalo a tshugile. Jonas a tshega ka Thato, ” Se tshoge morwa, ke nna”, a bua jalo ka boitumelo. Thato a tsenya tlhogo, a bontsha go swaba,” Morwa, se ntlhabelwe ke ditlhong kana ke wena fela motho o ke ka mo ikanyang le fa ke sule”, a bua jalo ka mowa oo kwa tlase. Thato a itshegisa,” Palama re tsamaye, kgotsa o sa ntse o ikatisa?”, a botsa jalo a mo lebile mo matlhong. Thato a palama ka boitumelo joo bogolo. Koloi ya feta e tsamaya e iketlile,Jonas a laela Thato go mo ruta go kganela koloi, Thato a itumelela seo, ba fetola manno. Koloing ya tlolatlola,a emisa ka letshogo,” Morwa koloi e tshwana fela le lelapa, jaaka mo mosong mongwe le mongwe o le mo maikutlong a go sa bui le ope, bana le mosadi ba go go tshwenega thata ba pateletsa go bua le wena ,mme o tshwanetse go nna pelotelele,o bye le bona”, a bua jalo ka go bontsha Thato melawana ya go kganela. Thato a sala morago melao ya kganela, koloi ya tsamaya e totoba go fitlha ba tsena kwa gaabo.
A tsena jalo ba itumetse ka bobedi,Jonas a tsena fela ka go fetela kwa setsidifatsing,a ya go tsaya senotsididi, fa Thato a fetetse kwa phaposing ya boiketlo. Dijo tsa ga Modiegi le tsona di roba dinko ka monko, Thato a retelelwa ke go itshoka,” kgaitsadi, dira o tshole”, a bua jalo ka go dira motlae. Modiegi a nyeba a ntse a tshola, fa ba ntse a emetse dijo le senotsididi, rraposo a tsena a saenisa Jonas kgapetlana ya bopaki morago a mo neela le kwalo, a le lebelela a bona le na le setempe sa Sepodisa, a kgakganala,” le!, lona ke tla le bona fa ke fetsa go ja,ka na go na le kgonego ya gore ke kgore fa ke fetsa go le leba”, a bua jalo a tshameka.
Ba inamisa ditlhogo mo dijaneng morago ba boa ba garela ka senotsididi, Thato a ya go itsokotsa fa a fetsa go ja, fa a tswa kwa phaposing ya botlhapelo a leba kwa phaposing ya boiketlo, a fitlhela Jonas a putsaputsa dikeledi, ” Malome ke eng? “, a botsa ka mowa oo kwa tlase a lemogisa gore o utlwile botlhoko. Selelo sa ga Jonas sa gola, a bontsha gore o ne a re o a itshoka,” tota, Tshepiso o batla eng?”, a botsa jalo ka pelo e e botlhoko, a ya kwa phaposing ya gagwe morago ga go neela Thato dinotlolo tsa koloi. Thato a ema a ya go tsena kwa Koloing ka boitumelo, a leba kwa Marekelong a magolo a bo-Olerato. Koloi ya modiro wa 2017 ya tsena, e duma e kete ke serori, matlho a mo leba, gwa tlola moduduetsane,”ga se ke tshele botshelo Jo!”, a bua jalo ka pelo.
A fologa mosimane wa morakile, a phatsima e kete selefera. Olerato a tswa ka lebenkele a tabogela Thato,” a o tshwere lotto?”, a botsa jalo ka go itshanekela. Thato a tshegatshega fela,” Olerato o a itse gore ke adimilwe”, a bua jalo ka go tlomogapelo. Ba tswarana ka seatla ba tsena ka lebenkele, rraagwe Olerato Kesebone, a tlalalana pelo, morago a leba mosimane oo, ” mosimane oo nka mo dirisa a ntirela madi, o mmele montle, wa go ka tshameka Mabolo, ke ka dirisa morwadiake go mo fenya”, morago ga go bua ka pelo a tshetshega selotsana. Olerato le Thato ba fetela kwa kantorong ya ga Olerato,” O feletse kae ka dithutego?”, go a botsa Olerato a ntse fatshe. Thato a tshidifala pelo,” kgaitsadi, nna ke tswa mo mathateng a mantsi jaaka o bona jana ke mongwe wa bana ba ba dirang marematlou”, a bua jalo ka pelo e e botlhoko.
Olerato a didimala morago a leba Thato,”Lekau o ka itirela letseno, rre o na le fa a rutelang batho mabolo e bile go na le kgaisano ka madi a a diriwang e bile gape, gona le batho ba ba itlhopelang ba tshamiki ba ba yang go tshameka lefatshe lotlhe, le wena o ka kgona”, a bua jalo a ntse tswere thato letsogo a mo solasola . Thato a ema fa a neng a ntse teng,” Ao!, gape o fetogile o batla go bona fela ke na le madi, le ga le a ke ye go e nagana”, a bua a tswa a tsamaya. Pelo ya ga Olerato ya sala e le botlhoko. Thato a tsena mo Koloing a leba kwa gaabo, fa a tsena a fitlhela Jonas a tshwere dipampiri tsa sekolo,” Morwa kwa sekolong ba amogetse kgaitsadio fela, mme ba re wena o tshwanetse go ya kwa o ikwadiseditseng ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga teng”, a bua ka pelo e e botlhoko. Thato a tsenya tlhogo morago a ya go robala.
Kesebone a tsena kwa gaabo Thato, a fitlha a kopana le Jonas, ba tsaya dikgang morago Kesebone a bua ka tsela e a bonang Thato a nang le bokamoso jo bokgatlisang a sa kgale mathe ganong. Jonas a bona go le botlhokwa go ya go tsosa mong wa leina, Thato a tla a setse Jonas morago o ya kwa phaposing ya boiketlo, Thato a fitlhela rraagwe Olerato a ipotsa gore monna oo o batlang. Kesebone a kopa Thato go ya go ikatisa le bona, Thato a bona fa Kesebone a batla go mo dirisa, a ema a tshwela fa ntle a lela,” Ao!, ke eng, ke eng modimo fa nna ke na le selebego sa go dirisiwa ke batho”, a buabua jalo ka pelo, fa a ntse a le fa ntle gwa tsena Koloing ya ga Olerato. A fologa mosetsana yoo bontle jwa gagwe bo galalelang e kete letsatsi le tswa mo marung.
A nna fa go Thato, ” rraagwe bana, a o nagane ka yona, rre o teng fa le ena?”, a botsa. Thato a mo leba mo matlhong, ka go didimala,” ke bona botshelo, batho bangwe ba rata fa o dirisiwa fela ba itse gore o tla ba direla boswa”, a rotha keledi. Olerato a fologa Thato a tsamaela kwa Koloing ya gagwe, Thato a ema a ya kwa phaposing ya gagwe a ya go robala. Mmagwe a tla ka ditoro,” Morwa se nke o nna manganga, fa o nagana gore se ke tiriso, nnyaa ga o e bone sentle go nne se se tlile go fetola botshelo jwa gago le kgaitsadio, se dire Morwa”, a phaphama morago ga se, a itumetse thata. Mosimane a fetola diaparo ka go ja dingwaga tse a tseneng sekolo ka tsona,” I can make it, I’m the right person for this and what do I work for because this has been my dream for years”, a ja madi a mosadimogolo Keba jalo.
Mosimane a tswa ka phaposi, a ya kwa phaposing ya boiketlo,Jonas a itumelela seo a se bona,” E bile rre Kesebone o re memile go ja dijo tsa maitsiboa le bona”, a bua jalo ka monyebo o mogolo thata. Ba tsena mo koloi Thato, a iteba, a lemoga gore ga a siama, a boela kwa phaposing ya gagwe ka lebelo le le kwa godimo thata, fa a boa a boa a apere di aparo sutu e kete monyadi. Jonas go mo leba a mo laela go tsena mo koloing e a neng a e kganetse mo tshokolong, fa di tswa tsa tswa di tlhomagane, Modiegi a itumeletse go bona mogoloe gape morago ga diura tsa go feta. Ba tsena jalo kwa ga Kesebone, Olerato a itumelela Thato le ka tsela e a apereng ka yona,” o montle e bile o a nkgaisa”, Olerato a bua jalo ka monyebo. Malapa a mabedi a tlhakanela lotlapa lwa dijo ka boitumelo jo bogolo thata, fa ba ntse ba ja Kesebone a leba Thato ka maikutlo a magolo thata,” monna kamoso re ya go ikatisa mme lamatlhatso re tlabo re na le baeti go tswa Gauteng”, a bua jalo ka go tshepa Thato.
Morago ga dijo tsa bosigo, ba tsena mo dikoloing tsa bona ba boela gae, fa fitlha ba robala. Mo mosong Thato a tsosa kgaitsadie go ipaakanyetsa go ya sekolong morago ga go mo siamisetsa metsi kwa phaposing ya botlhapelo. Modiegi fa a fetsa go ipaakanya, letsatsi le a tswa Thato a mo tsaya ka koloi a mo tlogela kwa sekolong Thato a boela gae go tla go ipaakanya, fa a fetsa a utlwa motho a khwanya kwa setswalong, a itlhaganelela go ya go bula a nagana gore ke Olerato, fa a bula a rakana le Motseothata,” Setlogolo, ke fa ka tlotlo le lerato”, fa Motseothata a sa ntse a bua, Thato a mo tsena ganong,” Janong nna ke tsena kae koo, monna tswa mo gae o ye ga Iona o rile e tswe ke tswile, le wena dira fela jalo “, a bua jalo a tiisitse e bile a tshologe mofufutso . Motseothata a lebaleba,” fela ke kopa gore o nkise fa toropong ka koloi “, a kopa jalo ka boikobo. Thato a tshega,” wena o ka kopa nna, ema fao”, a bua jalo a tsena mo ntlong a ya go tsaya banta,fa a boa a fitlha a itaa malomagwe ka banta go ya go tsenya kwa mmileng o magolo o o yang toropong,” ke yona tsela e e yang toropong e!”, a bua jalo a retologa a boela kwa gaabo.
Mosimane fa a tsena ka lwapa,a leba kwa mmileng a bona malomagwe a itlhobogile,a tsena mo koloing a ya kwa go ena,a fitlha a mo pega,” ke solofela gore fa ga ke sa tlhole ke go bona gape,e nne ga la bofelo go gata fa”, a bua jalo a tsenya koloi mo tseleng e leba tlhakajeng, ya feta e roropa e kete koloi ya batlwetsi ba gateletswe ke bolwetsi. Fa a tsena kwa tlhakajeng a fitlha a emisa, monnamogolo Motseothata a fologa morago a e tsenya mo tseleng ya boela Mahikeng, mosimane a bala metsotso fela a tsena ka go fetela kwa ikatisong. Kesebone a itumelela go bona Thato, Olerato a tsena Thato a ntse a ikatisa, Thato a dira ka a ne a batla go itumedisa Olerato. Thato fa a fetsa a ya go tsaya kgaitsadie kwa sekolong, fa ba tsena kwa gae ba fitlhela Jonas a dirile dijo tsa tshokologo, ba nna fatshe ba ja ka boitumelo, ” monna Thato, wa bona lekwalo la maabane le ne le bua ka ga tshwaro ya ga Tshepiso, a re ke mo ntse, mme nna ke ga nne ka gore ke ena a itlhopetseng botshelo joo”, a bua jalo ka maikutlo a a siame. Thato a tlhoka puo a didimala fela, Modiegi a lemogisa gore o utlwile botlhoko ka go lela, Jonas a mo gomotsa,” tota e kete re tseetse Tshepiso gaabo”, a bua jalo ka pelo e e botlhoko, Jonas a tshegatshega e kete ga go direge sepe.
Thato a ya go itsokotsa, fa Modiegi a dira tiro gae, Jonas a lebelela thelebishene morago Thato a ikatisa kwa phaposing e a e thobetsweng gore a ikatise kwa go yona. Modiegi a ya go itsokotsa, morago a ya go robala, Thato a ya kwa phaposing ya ga kgaitsadie, ” A o siame?”, a mmotsa potso a nna fa bolaong jwa gagwe. Modiegi a lela thata fela,” ke gopotse Mme, le fa Malome a ntirakile dilo fela Mme a le teng, nna ke batla go bona Mme, ena ke sa ntse ke mo rata”, a bua jalo a lela. Thato a tsamaela kwa go Jonas kwa phaposing ya boiketlo,” Malome Modiegi o a lela a re o gopotse mosadimogolo, janong re dira eng?”, a botsa Jonas a mo lebile mo matlhong. Jonas a retologa ka gore ,” mo ise, ke itse maikutlo ao monna”, Thato a ya go tsaya kgaitsadie a mo tsena mo koloi, go a tsena Olerato ka koloi ya gagwe ,le ena a palama a ntse a sa itse gore go iwa kwa kae.
Koloi ya feta e roropa mo tseleng, e kete noga ya moselenyane e le mo tlhageng, mosimane a sa batle go bona koloi fa pele ga gagwe. Ba tsena jalo kwa lwapeng la ga mosadimogolo Keba, ba fologa jalo ka boraro ba tsena ka ntlo, mosadimogolo go ba bona, a rotharotha dikeledi tsa kutlobotlhoko ,” ijo!, tota leina le ile kwa boraelong Kebatsaletswe mme fela ga ba nkitse gompieno “, mosadimogolo a lela botlhoko thata morago ga go bua jalo boa a re ,” ke solofela le nna monate banake, ka ke bona le le ba sweunyana mamphorwana a me, ke a le rata banake fela ke fitlhetse ke belege ditau e gompueno e kgaoganyang lwapa la me ka bogare,tota go tlhoka go itse selo se nkabe ke se bolaile mme fela modimo o teng le tieng dipelo le goleng le nkgolele banake”, a bua jalo a ba atlaa. Pelo ya ga Modiegi ya boela manong a boa a bona boitumelo,” Mme ke lebogela fa o kgonne go bona bo-pelo-kgopo jwa ngwana wa gago, re tla dira letsatsi re tla kgangkgolo ya gore re le fa Modiegi o ne a lela mo go tlhomolang pelo “, a bua jalo a lebile mosadimogolo Keba. Mosadimogolo a leba sentle,” janong kgarebe e ke mang?”, a boa a botsa potso. Thato a leba kwa go Olerato, ka monyebo,” mosadimogolo ke mmaagwe bo-Thatonyana le bo-Thatoentle”, a bua jalo a retologela kwa go mosadimogolo. Motseothata a tsenyatsenya tlhogo, a tshaba go leba Thato, Thato a lemoga se morago ga sebaka mme morago ga go lemoga se, a laela mosadimogolo,” Mme kana kamoso, ke letsatsi la matasatasa, o tla sala se ntle”, a bua jalo ka mowa o o kwa tlase. Mosamogo a eletsa e kete bana ba sa tsamaya,fa a leba Motseothata a putlaputla dikeledi, ba tsena mo tseleng ba leba boela kwa Mahikeng, ba tsena jalo bosigogare ba fitlha ba robala.
Mo mosong wa labotlano, Thato a tsaya Modiegi a mo isa sekolong, fa a boa a felela kwa ikatisong morago ga go ikatisa Olerato a mo sidila mokwatla,” rraabo, ke sidila botlhoko ?”, a botsa jalo a gatisa Thato. Mosimane a ithatafatsa fela go bontsha mokapelo wa gagwe gore ke monna tota,” nnya, o sidila monate”, a bua jalo a goga mowa kwa teng e kete serori ke le mo motlhatlhogong. Thato le Olerato ba tsena mo dijong tsa mo tshokologong fa ba ntse ba tsamikisana ka dijo, baithuti ba ba nnye ba mabolo ba tsena ka modumo,”ba na ba tsene, ba rute ba tswane le wena”, a bua jalo a tshameka morago ba tshega ka bobedi.
” tota ke a go rata, ka pelo ya me yotlhe”, a bua jalo Olerato a itlhomotse pelo,” ga ke itse gore se o se buang ke nnete kgotsa o mpega bobi matlhong “, a akanya jalo a lebile Olerato mo matlhong, ka go nyeba, baithutu ba ba nnye ba tswelela pele ka go ikatisa fa Thato a boela gaabo. Mosimane wa morakile fa a tsena kwa gaabo a fitlhela kgaitsadie a tsile le Jonas,” Malome ke lebogela ga o ne wa re utlwela botlhoko fa lefatshe le re tlhanogela”, a bua jalo ka boikobo a eme ka dinao ka fa phaposing ya boiketlo morago go a tsena Kesebone, a tsena fela a sa khwanya setswalo,” monna, ke fa ka lebaka la kamoso tshokologo”, a bua jalo a na le tshepo mo go Thato, Jonas a tshega a mo lebile,” tota mosimane oo wa mo tshepa”, a bua jalo a lebile Kesebone mo matlhong,jonas. Thato a tshegatshega fela.
Thato a nna fa fatshe a leba thelebishene, fa Jonas le Kesebone ba tswela kwa ntle,” abuti o ntirile motlotlo gape bana ba kwa sekolong a bua fela ka motshameko wa lona, o sa ntsenya matlho a ba bana ba le go nne ke go pakile jaaka ke go itse”, a bua jalo Modiegi a bontsha tlotlo. Thato a ema a tshega fela a ya kwa phaposing ya botlhapelo, a ya go tsena mo metsing a utlwa a gotela thata kana o ne a sentle a kwata, a le mo maemo a go batla motshamiki nae ka nama. Mosimane morago ga ura tsepedi a tswa ka phaposing, Jonas a mo bitsa, a itlhaganelela kwa go ena,” Malome?”, Thato a araba jalo ka kgakgamalo, a nna fa letlhakoreng la ga Janas,” fa o ka fenya motshameko oo, Koloi e o e kganelang ka metlae, ke ya gago”, Jonas a bua jalo a itaaitaa Thato legetla. Thato a tsenya tlhogo,” Ga gona ope, oo ka go fang selo mahala fela, se se nthuta gore ke se ke ke a fenya, go nne Malome Jonas o tsengwa ka tlhogo go ntirisa”, a buabua jalo ka pelo. Mosimane ka go fupa tedu a leba Jonas,” ke kopa re ye go bua kwa koloi “, a bua jalo ka tenego.
Jonas a feta a setse Thato morago go ya go tsena kwa Koloing, koloi ya tswa ka legora,” Malome ke go tshepile Jana, a o ka ntira jana?”, a botsa jalo a ntse a kganetse. Jonas a imakatsa,” Thato o bua ka eng!?”, a botsa jalo ka kgakgamalo. Thato a tshega fela a ntse a oketsa lobelo la koloi, Jonas a bona koloi e fofa e kete sefofane,” fokotsa lobelo!”, a bua jalo ka go fupa tedu,Jonas. Thato a mo leba, ” Malome ke ne ke go tshepile janong ke bona go le botoka gore re ipolae, wena o e bona jang?”, a botsa jalo a le mowa tlase,mosimane wa morakile. Jonas a tlalatlala,” monna bona!,monna bona, Kesebone o ntshepisitse dimilone di le pedi”, a bua jalo ka go tshoga. Thato a fokotsa lobelo go fitlha koloi e ema morago a boela kwa ba tswang,” nna ga ke batle bontlha bongwe kwa madi ao fela nna ke ne ke batla nnete fela, go nne ke a itse gone motshameko o ke mofenyi wa ona”, a bua jalo ka go itshepa.
Thato le Jonas ba tsena jalo go le lefifi, ba fitlha ba emisa koloi fa Pele ga ntlo,ba tsena jalo mo ntlong Jonas a sa ntse a lebega a tshugile. Thato a mo betsabetsa legetla,” malome ,nna ke ne ke batla nnete fela, busa mowa o nne sentle e bile o boe gape o ntshepe”, Thato a bua jalo ka boikobo. Mosimane a ya kwa phaposing ya gagwe go ya go ikatisa morago a ya go itsokotsa go fokotsa letsapa, fa a fetsa a ntseny tlhogo a tswala matlho, “ Morena wa me, ga ke na maatla mme ke wena fela o o ka nthusang go nne batho ba lefatshe ga bana dithata tse onang le tsona, Morena nna ga ke kope dilo tsa lefatshe mo go wena mme nna ke ikopala botlhale fela kwa go nthusa gp fetola botshelo jwa me, ke a leboga Morena”, a rapela jalo ka pelo morago a tlholola dikeledi.
” ke eng se se tsenang mo ntlong se, Modiegi a ke monnanyana wa gago, mme gompieno o tshwanetse go itse gore nna, monnatota wa lwapa o teng”, a gopola a lela,” monna, o monna wena janong tsaya se eleng sa gago o bone gore o tswatswa jang, ntlwana e teng o ka go nna kwa go yona fa ga re nnawee!”, a boa a gopola a lela.” Ka nna mme o agile lwapa lele morago fa a fetsa go swa ra bonwa jaaka bana ba dikgora”, a bua jalo morago a tlalalana pelo go fitlha a latsa tlhogo. Mo mosong wa tadi e amusa Jonas a tsosa Thato, fa tsoga mosimane a fupile tedu, ” mosimane se ke khumo le lehuma, tsaya o tlhape ka se tswa mmung se”, a bua jalo Jonas a re o neela thato,” Malome, tse tsotlhe a re di neele Morena go nne dithata tsotlhe tsa batho di kupiwa mo go ena, janong ke kopa fela o ntshepe go nne nna ke a itshepa”, a bua jalo a le mooko o thata.
Go a sedimoga, Modiegi a tsoga ka boitumelo jo bo kwa godimo thata e bile a rorisa morena ka molodi wa lentswe le le thapile. Thato a tswa le Jonas mo phaposing ya gagwe, mosimane a tswa ka mmele o o agegileng e kete wa namane ya lesole. A nwa mae a tswa mo setsidifatsing, kgaitsadie a nyonya seo a se bona,” ke botshelo Modiegi, ga ke dire se go nne dijo di teng, fela ke dira se gore ke bone matla a a ka nthusang gore ke bone phenyo fa ntwa e e matlho mahibidu e fela”, Thato a bua jalo ka go itshepa. Kesebone le morwadie ba tsena ka seo sebaka ba itumetse thata, ba tsena ba tshotse diaparo tsa maemo a a kwa godimo thata, ba di neela Thato, ba lebile Thato mo matlhong ka bobedi. Thato a di leba fa ba mo neela,” nna ga ke apare diaparo tsa maemo a a kwa godimo go nne ga ke batle go itumedisa batho ka botshelo jo ke sa bo tsheleng, seo se raya gore ke batla gore batho ba nthate,kana fa ke ka retelelwa ke gp fenya motshameko, se o se raya gore le latlhegetswe ke dikete tsa diranta!”, Thato a bua jalo ka go kgopola, a ya kwa phaposing ya gagwe morago fa a tswa, mosimane a tswa a apere diaparo tse di lapileng tse a neng a ikatisa ka tsona, Modiegi a ba kopa go re ba nne fatshe ba je, ba nna jalo fatshe Kesebone le Olerato ba swabile,” ka bobedi ba, ba kopanetse selo se le sengwe”, a bua jalo a ba libile mo matlhong, morago fa ba fetsa go ja ba ya kwa dikoloing tsa bona, mongwe le mongwe a palama ya gagwe fa Modiegi a tlhopile go palama le mogoloe. Ba feta ba tlhomagane e kete ke dikoloi tsa kwa phitlhong di tswa kwa dirapeng tsa baswi.