Lefatshe la manong – Kgaolo 1
Sefefo sa tlhaga borwa se tsubutla ditlhare ka phefo e e bogale,Thato le Modiegi ba siela ka fa tlase ga magofa a ga mosadimogolo Keba,ba itshireletsa jaaka dikokwanyana ka fa tlase ga mmaatsona. Mosadimogolo a ingangatlela ka seikokotlelo e kete mosimane wa lesole a palame pitsi ya mokatiswana e tlola ditlhatsana.
“Mamphorwana a me, le ka nna le bolokesegile ka dinako tsotlhe go nne se ga se thato ya motho e bile se ke tlholego e le tshwanela gore le e tlwaele, e re ke sule le kgone go ikemela,” mosadimogolo a bua jalo a totoba go fitlha ba tsena kwa lwapeng.
Modiegi fa ba tsena kwa gaabo a simolola ka go itsokotsa lerole morago a laela mosadimogolo go itsokotsa; Thato a bona fela se e le tshenyo ya nako. Mosimane a fetela kwa phaposing ya gagwe a ya go latsa tlhogo e kete leeba le gopotse mamphorwana. Mo mosong Thato le Modiegi ba leba kwa sekolong ka bobedi; Thato a feta a tseetse Modiegi naane e e monate thata ya ga kgosi Keothaile. Modiegi a tshega gore a utlwe e kete ditlhaa di kgaogana le tlhogo. Segongwana sa basimanyana sa ba feta; lentswe la utlwala gareng ga bona.
“Ijo! A mme bana ba dikgora ba utlwana jaana?”, ga tlola potso.
Modiegi a tlola pelo a kgogoga, mme kgaitsadie a mo tshwara ka seatla.
“Kgaitsedi tia pelo. Se ke botshelo e bile o sa utlwisiwa botlhoko ke sengwe le sengwe mme tota fela o tshwanetse go bontsha gore o ausi ka maitsholo a a kgatlisang batsofe ba dimatla”,Thato a bua jalo ka pelo e e botlhoko thata.
Modiegi a retologa ka go putsaputsa dikeletsana e kete motswedi pula e nele.
“Ke eng fa Mme a sule a le esi? A re tlogeletse tshotlego ya lefatshe. Tota ke eng le nna ke sa swe? A mme wa re bona kwa a teng? Jaanong ke eng a sa re tlhokomele kgatlhanong le manaba a lefatshe le!”
Modiegi a bua jalo dikeledi di kgamathetse marama. Thato a mo leba ka pelo e e botlhoko thata.
“Jalo ke go ikgobola matsadi a a fodileng. Modiegi ngwana wa ga Mme ithute go amogela dilo tsa lefatshe gore le boesengmang ba se go fetole setlatla.” Thato a bua jalo a lebile kgaitsadie mo matlhong.
Ba tsena jalo ka bobedi kwa sekolong, Thato a sutlha kgaitsadie sekgapa sa dikeledi.
“O montle e bile ke a go rata kgaitsadiaka”,Thato a bua jalo ka monyebo, morago ba kgaogana jalo ba ya kwa diphaposing tsa bona.
Modiegi fa a tsena ka phaposi a jewa ditshego ke Tiro, lekau la motsana wa gaabo; a tlhoulala ka pelo e ntse e ubauba, matlho a mo leba go fitlha a nna fa fatshe. Tshipi ya sekolo ya lela, sekolo sa tswa. Bana ba tlala sekolong sotlhe fa phaposi ya boModiegi yona e le mo nakong e e okeditsweng ya dithuto. Thato a leba phaposi ya kgaitsadie a bona e kete bone ga ba isi ba tswe. Mosimane a tsena fa phaposing go dira ditiro tsa gagwe tsa sekolo. Fa a ntse a tsweletse, Tiro a tsena.
“O itira botoka mosimanyana mme o ya go retelelwa ke go falola mophato o”, Tiro a bua jalo a nyatsa.
Thato a mo leba ka go ntsha meno a masweu. Tiro a tsaya buka ya ga Thato ka dikgoka a mo gagamaledi sefatlhego.
“A se ke sone sa tiro tsa bana ba dikgora” a bua jalo Thato ka go tlalana pelo.
Tiro a neela Thato mokwatla kwa ntleng ga go molaela. Mosimane a sala a ipolaile ka ditshego e kete motho a jele wa dipitse motsoko.
“Gompieno ke mokgonne”, a bua jalo ka boitumelo jo bogolo thata, a tswelela ka go dira tiro gae. Fa a fetsa a tswala matlho.
“Rara ke a leboga go nneela maatla a go lwana kgatlhanong le dira tsa me mo lefatsheng, le fa ka dinako tse dingwe botshelo jwa me bo fetoga metlae, mme ke lala ke go tshepile.”
Morago a bula matlho a fitlhela kgaitsadie ka fa letlhakoreng la letsogo la gagwe la moja.
“Ausi, o teng fa le wena?” A botsa jalo ka Boitumelo.
Modiegi a bula matlho ka monyebo o o kwa godimo e kete lekgarebe le tshepisiwa lenyalo. Ba tswa ka phaposi ba tshwarane ka diatla ba leba kwa gaabo; ba feta ba tshamekisana. Ba tsena kwa gaabo setshego sa bona se le kwa godimo thata. Modumo wa dikwanyana o le kwa godimo thata o kaya tlala. Thato a gadima kwa lesakeng la dinku, a rakana le mosadimogolo a kgotswilwe. Mosimanyana a tsosa lerole e kete katse e lelekilwe ke ntswa.
“Mme! Mme! Ijoo! Nna tota ke wa ga mang?” A ipotsapotsa jalo a rotolotse matlho e kete a morubisi.
Modiegi a tsamaela kwa go ena, selelo sa gagwe se le kwa godimo e kete modumo wa tladi e romeletswe motho.
“Ke eng? Ke kae? Go direga eng? Ijo! A banake ba jele?” Mosadimogolo a bua jalo fa a phaphama, pelo tsa bona tsa bona boitumelo. Thato a rwala mosadimogolo a mo isa kwa ntlong. Morago a ya go lebelela kwa matlhakung a fitlhela dinku di sa felela. A neela tse diteng dikwanyana morago a tabogela kwa masimong go ya go batla tse dingwe. Letsatsi la fokotsa mogote fa lefifi le simolala go tsalana le lefatshe.
Thato a simolola go bona dinku di tlala le naga. A itumela, mme a tlelwa ke kakanyo ya gore a simolole kwa dinku di leng dintsi teng. Mosimane a taboga thata fa a tsena kwa a boneng dinku teng, a fitlhela tlhaga ele ntsi thata e e setlhafetseng. A simolola go ikobonya.
“Tota Tiro o ne a bua nnete fa a re ke rata go itira botoka, gompieno le nna ke a bona”, a retologa ka go nyema mooko a utlwa a tlelwa ke lephutsana.
A retologa a boela kwa gaabo ka pelo e e botlhoko. Fa a tsena kwa gae a fitlhela mosadimogolo le kgaitsadie ba robetse. Mosimane a fetela kwa phaposing ya gagwe. Mo mosong mosadimogolo fa a tsoga a fitlhela Thato a tsogile e bile a feela patlelo. Mosadimogolo a tsikinya tlhogo ka gore, “E kete o senatla malatsing a. A mme ga o ye go nna thari kwa sekolong?” Thato a toulala fela e kete seyalemoya se sa diri. Modiegi a tswa a ya sekolong. Thato a mo goeletsa,”O nne le letsatsi le le monate kgaitsadi!” Morago a ya go tsaya thobane a tswa a leba kwa masimong.
“Mme ke ya go lebaleba dinku”, a bua jalo a laela mosadimogolo.
A leba kwa masimong mogopolo wa gagwe o le kgakala thata.